Ke tlholego gore lekau le tswe mo bokaung mme le nyale mosadi. Ke boikarabelo ba lekau go bona gore tiro ya lenyalo e tsamaya sentle. Bogadi ba maloba e ne e le ba dikgomo. Gompieno bogadi bo duelwa ka madi. Lekau fa le simolola le re le a gorosa, le tshwanetsa la ba le kgobokantse sentle. O ka rome batho go ya go go batlela sego sa metsi o itse sentle gore kgetsana ya gago ga e a lekana.
Lekau le buisana le lekgarebe gore bogadi bo ka tsamaela fa kae. Go tlhabisa kgala gore e re go kgobokanwe, go buiwa ka bogadi, go nne le dikgogakogano. Lekau le bue fa le sa naganelwe. Bomme ba tlogele go gapeletsa barwadi ba bone gore ba ngapa- rele makau. Bomme ba tshaba gore barwadi ba bona e tla nna mafetwa. Ka dinako dingwe, bomme ba neela barwadi na bona madi gore ba a neele makau. Makau a duele bogadi ka madi a ba a neetsweng le makgarebe a bona.

Se nkgerise Gr 8 (HL) Setswana Novel (CAPS)
R27,40
| Authors | |
|---|---|
| Language | |
| Copyright | |
| Publisher | |
| ISBN | 9781430732754 |
| Number Of Pages | |
| File Size | 0.83 mb |
| Format | |
| Edition | 1 |
| Published | 01-07-2017 |



